ESP ga e na bothata - Botlhale

Professir Botlhale
Professir Botlhale

Ga gona bothata le mogopolo wa go tsosolosa itsholelo fa o ka dirwa ka tsela e e siameng, kgang ke go dira dilo sentle,” se se buile ke motlhatlhelela dithuto tsa madi a setshaba (Public Finance) kwa mmadikolo, Professor Emmanuel Botlhale.

Botlhale o buile jalo kwa ngangisanong ya setlhogo seo bosheng e eneng e rulagantswe ke mokgatlho wa merero sa sepolotiki la Mmadikolo (Political Science Society). Ngangisano eo e ne e le magareng ga phathi ya Domkrag (BDP), UDC le ya BCP.

Botlhale a re o tlhaloganya gore gongwe bothata jo botona e santse e le diteng tsa lenaneo ka bophara jwa lone. Fela a re o solofela gore ba ba tshwereng marapo batla ntsha dintlha ka botlalo jaaka ba solofeditse. O ne a tlatsa ka gore o dumela gape gore goromente wa letsatsi o tla bula dipati go amogela mogopolo ka tiragatso ya lenaneo. O tsweletse ka gore se se tshwanetseng gore e bo e le konokono ya ngangisano ya mogopolo, ke gore a go tla nna le tekatekano ya go tsaya karolo. Botlhale a re se sengwe e ka nna gone gore tiragatso ya mogopolo e nne manontlhotlho le gore kwa bofelong go nne le maduo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up