ESP e ka godisa tshenyetso setshaba � BCP

Keorapetse
Keorapetse

Moanamisa mafoko wa phathi ya Botswana Congress Party (BCP), Dithapelo Keorapetse, a re o dumela gore lenaneo la go tshosolosa itsholelo (Economic Stimulus Package) ese sepe se se nang le boammaaruri mme ele go tla go oketsa tshenyetso setshaba fela.

“Ba ipaakanyetsa go utswa madi a rona” , Keorapetse a buile jalo kwa ngangisanyong ee neng e rulagantswe ke University of Botswana Political Science Society ka lone lenaneo la go tsosolosa itsholelo. Keorapetse a re ke mogopolo fela wa batho ba batla go gopela itsholelo le go senya madi.

Mopalamente yoo wa Selebi Phikwe Bophirima a re lenaneo le le tla ka nako e go senang melao ee lwantshang tshenyetso setshaba. O nankotse molao o tshwana wa go loma tsebe fa motho a bona tshenyetso setshaba, molao wa go letlelelwa go bona kitso, le wa go rola dithoto mo setshabeng ga baeteledipele. Keorapetse a re lenaneo le gape le ka nna la rotloetsa badirelapuso ba ba le berekang go ipha ditiro (Insider Trading).

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up