Mosupi o jele semenogane

No Image

ORAPA: E rile bosheng, Ipolaeng Kedisang, wa dingwaga tse di masome marataro le boraro (63), ele monni wa kgotla ya Sekeletu kwa motseng wa Mopipi, a ja semenogane mo tshekong e mo go yone a neng ele mosupi wa puso.

Kedisang o ne a tshwarisa motsamaisatsheko kgakge a sa solofela morago ga gore e re fela a sena go tsena mo lebokosong la basupi, le go bo ikanela, a fetogele seo ka bofefo. O ne a bolelela lekgotla gore ene ga se mosupi e bile ga a kake a supa sepe kgatlhanong le mosekisiwa yo eleng morwawe thoothoo.

Go ja semenogane jaaka thipa ya mokopelo ga ga Kedisang, go senogile bosheng fa morwawe, Keteilwe Kedisang (28), a ne a itshupa fa pele ga ga Mmakaseterata wa Letlhakane, Queen Moanga, go arabela molato wa go thubetsa. Mosekisiwa Keteilwe Kedisang, o fa gare ga dinaka tsa kukama ntateng ya go belaelwa gore o itseetse dikobo ka dikgoka mo go mme Kelebileone Sethungu ka kgwedi ya Lwetse ngogola kwa Mopipi.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up