Mogwang o ya borwa go rileng?

Ga fediwa go lema. Megoma ya gogwa go isiwa ka kwa mahuri. Dijokwe tsone, ka di ne di sa ntse di tlaa dirisiwa, tsa gogelwa ka fa tlase ga ditlhare mo dipatlelong. go goga matlhaku. Bangwe ba ne ba sa ntse ba tlaa golegela ditiro tse dingwe tse di neng di sa ntse di saletse kwa morago jaaka go agelela one masimo le digotlo.

Tsa tlhaba dijwalo tsa gola. Fa di ntse di tla, mhero wa tla o di setse morago. Balemi ba tlhoafala ba tlhagola, e se re gongwe dijwalo tsa tloga tsa jewa ke mhero mme ba tswa fela. Go bona di tlhagoletswe, tsa phophoma.

A tla mabele, wa tla mmidi, ya tla ntshwe, sika lo thotse le lone le sa ineele. Masimo a fetoga a nna matala. Wa tswelela wa lela mogoma, o gogola mhero.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up