Magoletsa ke eng?

Pego nngwe ya re, e rile kgwedi e e fetileng (Lwetse) ga tshwarwa merapelo kwa kgotleng e tona ya Letlhakane mo kgaolong ya Boteti. Ga twe merapelo e, e ne e rulagantswe ke bagolo bangwe ba motse, e bong ramapodisi wa kgaolo le lekgotla la dikereke gone koo.

Ka nako eno ke ya go lema, mme pula yone ke e ga e bonale, re ka tsaya gore merapelo e e neng e tshwerwe ele, e ne e le ya go rapelela pula. Nnyaa, ga go a nna jalo. Pula ga e ne, mme ga se yone fela e tlhokisang Batswana boroko. Di dintsi tse di sa robatseng batho. Sengwe sa dilo tse ke borukutlhi bo re bo bonang bo tletse lefatshe.

Go bolelwa fa kwa Letlhakane borukutlhi bo le bontsi thata e bile bo dirwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng. Go ya ka pego, borukutlhi bongwe koo ke jwa dititeo, bongwe jwa go betelela (go thubetsa) bo bongwe jwa dipolao. E mengwe melato ga twe e a dirwa mme kwa morago batho bangwe ba rekwe ka madi go e nna ka marago. Re itse fa dilo tsa go nna jaana, di sa direge kwa Letlhakne fela, di direga ka lefatshe lotlhe.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up