A re bue gape ka go jela

E rile pele ga re ya go letsa megolokwane go itumelela boipuso, ra bua ka lenatetshapuo le le reng go jela. Re ne ra bona gore fela jaaka manatetshapuo a mangwe, papisapuo e e ka dirisiwa ka ditsela tse di farologanyeng. Re ile ra ntsha dikai dingwe mme ra re, go na le go jela tlase, mo gone go rayang go imelwa kgotsa go thatafalelwa ke botshelo.

Re ne ra re, fa Motswana a re motho o jela tlase, o raya gore ka mabaka mangwe  motho yoo  ga a tshele sentle. Gongwe bana ba bantsi mo lwapeng mme ga a kgone go ba jesa le go ba apesa sentle. Gongwe ditiro tsa lwapa la gagwe di dintsi mme ene ga a na dithata dipe tsa go dira ditiro tseo. Botshelo bo nne thata mme go twe motho o jela tlase.

Re ne ra bua gape ka go jela tlhakeng mme ra re, motho yo o jelang tlhakeng, ke motho yo o jang papadi ya gagwe kana pereko ya gagwe, e sa ntse e le koo, ene a ise a e tsenye mo seatleng. Fa e le madi (tuelo) a tiro nngwe e a e dirang, le go amogela madi ao a ise a a amogele. Batho  bangwe e a re kgwedi e ise e fele, ba tshwarise madi a bone ka go tsaya dilwana kwa le kwa, le one madi tota ba adime fale le fale, tumalano e le gore dilwana tse, le one madi a, di tlaa duelwa kgwedi e fela. E fele kgwedi  mme e re  go amogelwa, madi ao a fete fela jaaka phefo motho a duela kwa a neng  a adimile teng. Ene a sale ka eng?  A se ke a sale ka sepe mme e bo e le gone fa a jetse  tlhakeng. Tse ke dingwe tsa dikai tse re neng ra di ntsha maloba go tlhalosa lenatetshapuo le. Jaanong a re fetele pele re bone gore lenatetshapuo le, le ka dirisiwa jang gape.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up