A Ngaka Koma o robetse fa?

No Image

E ne e le lebutswapele la dipolotiki tsa kganetso la motia mo lefatsheng leno.Fela golo a go robetseng ga go supe sepe sa go nna jalo.Mmegadikgang wa Naledi OAGENG BATENEGI o etela gape lebitla la ga Ngaka Kenneth Shololo Koma kwa Mahalapye, mme o latedisa polelo e a neng a e kwala ka mogaka o, dingwaga di seekae tse di fetileng.

MAHALAPYE: Sengwe le sengwe se tshwana fela. Lebitla la gagwe le santse le ntse fela jaaka pele, e bile go lebega le ntse le onalela pele. Se se diragala jaana ntswa boeteledipele jwa lekgotla la Puophaa (Botswana National Front-BNF) bo kile jwa solofetsa gore bogolo bo tla beela rre Koma letlapa mme nako kgolo ke eno.

Fela jaaka bontsi bo itse, Koma o ne a tlhama lekgotla la sepolotiki lwa BNF ka 1966, a na le bo rre Kwele le Molomo. Go utlwala sentle fa maikaelelo a ga Koma e ne ele go leka go ritibatsa seemo sa makgamo a boeteledipele jwa BPP bogolosegolo, le jwa BIP. Phathi ya Domkgraga (Botswana Democratic Party) e ne e setse e dirisitse sebaka sa go tlhoka neelano ga diphathi tsa BPP le ya BIP, mme ya nonofa ya bo ya tswelela go gapa ditlhopho tsa sechaba tsa ntlha tsa 1965 le tse di latelang tsa 1969, le tse dingwe fela jalo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up