Motswana a re go na le go jela

Motswana o rata go natefisa puo ka go e bapisa go na le go bua a tlhamaletse gore go utlwale gore a reng. E re lefoko le le lengwefela, a le dirise gantsi go raya dilo tse di farologanyeng.

A e re gompieno re lebelele ka fa Motswana a natefisang Setswana ka teng ka go dirisa lefoko ‘go jela.’ Ka manatetshapuo a lefoko le a mantsi ga re ke re bue ka one otlhe. Re tlaa tlopola fela mme re tlogele mogopo o ntse o le foo.

Motswana o a tle a re go na le go jela tlase. Go jela tlase mo, go a bo go raya eng? Ka go jela tlase mo, motho o a bo a raya gore o imelwa ke botshelo. Motho o a bo a raya gore, ga a je, ga a tshele ka fa a eletsang kgotsa a ratang ka teng.  A re tseye sekai re re, Morwadi o dikile a lemile mme a solofela go bona thobo e e nametsang.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up