Carter Morupisi o dirile dikgakgamatso kwa Malaka

Carter Morupisi
Carter Morupisi

Go ne go osha legong go sala molora ka Labotlhano wa Phatwe ale 28 (28-08-2015) kwa motsaneng wa Malaka kwa botlhaba ja Palapye kwa sekolong sa motse oo. Mokwaledi Mogolo wa ofisi ya ga Tautona Rre Carter Morupisi o ne a dira ditso tse di senang go lebalwa.

Rre Morupisi o ne a supiwa fa pele ga barutabana, batsadi le bana ba sekolo fa e le ene yoo ikemiseditseng go thusa sekolo seo ka tsotlhe mo lenaneong la ‘Adopt-a-School’. Moletlo oo wa maemo oo neng o rulagantswe sentle ke barutabana ba sekolo sa Malaka Primary o ne wa simologa mo mosong wa Labotlhano go fitlha mo maitseboeng.

Gareng ga batlotlegi go tswa kwa dikomponeng tse di farologaneng, badirelapuso, kgosi ya motse Rre Dikakanyo Otukile le batho ba kgaolo eo ba ba neng ba tlile mo moletlong oo, go ne gole mopalamente wa Palapye/mothusa-tona Rre Moiseraele Master Goya yo ebileng e ne ele sebui sa tlotla. Mo mafokong a gagwe Goya o ne a akgola Morupisi a bo a mo galaletsa thata mo maitlamong a gagwe a go thusa dikolo tseo.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up