Mekaloba e aba dintlha sesolo

Mark Harrison Pic Kabo Mpaetona
Mark Harrison Pic Kabo Mpaetona

Liki e kgolwane ya motshameko wa kgwele ya dinao ya be MOBILE e tsile boikhutsong morago ga metshameko e le mene kgotsa dibeke tse nne jaaka go buiwa. Mme goroga fa ka maduo le dintlha tse di farologaneng jaaka ditlhopha di ntse di nkgisana magwafa. Mmegadikgang wa tsa metshameko wa Naledi, TEICHLER RANKOA, a re fa setlhopha se setona sa kwa Lobatse, Extension Gunners, se kokoantse dintlha, mekaloba ya Botswana, Mochudi Centre Chiefs, Township Rollers, le Gaborone United di ne tsa bona go le botlhokwa gore di thuse tse dingwe ka go aba dintlha .

Barati le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ba letile beke ya botlhano ya liki ya be MOBILE ka mewa le dipelo tse di farologaneng jaaka bangwe ba eletsa gore ditlhopha tsa bone di tle di tswelele le bontle jo di setseng di bo dirile, bogolo jang ba Gunners e e leng yone e kokoretseng loko kwa setlhoeng morago ga go fenya metshameko ya yone yotlhe e mene.

Setlhopha se sa ga mokatisi Keitumetse Pio Paul se simolotse liki ya monongwaga ka lebelo le go e tsaya ka setsokotsane ka go fenya ditlhopha tse dingwe, go akaretsa le mokaloba Gaborone United tota. Se jaanong se dira gore barati le balatedi ba setlhopha se e nne bone ba buelang kwa godimo ka boitumelo, fa bangwe bone ba bua fela ba iname ka ditlhopha tsa bone di santse di apaapa tsela. Kwa Serowe le gone go santse go le monate thata jaaka setlhopha sa koo se se magorogomasha mo liking e ya be MOBILE, Green Lovers,  se kgonne go fenya metshameko mengwe go kgobokanya dintlha go wetsa dibeke tse nne se le mo maemong a a botoka mo lokong. Se se dira gore ditlhopha tse dingwe tsa kwa kgaolong e jaaka Motlakase, FC Satmos, Nico, Miscellaneous di nne mo kgatelelong e e seng kana ka sepe ka di patelesega go itshwarelela mo liking ya monongwaga.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up