Re tswelela ka papisapuo e e reng go wela

E rile ka Laboraro yo o fetileng, Mmualebe a tla ka lenatetshapuo kgotsa papisapuo e e reng go wela. Go alela kgang ya rona re ne ra re, go wela go tswa mo go wela. Re ne ra re go wela go raya go ya fa fatshe ga sengwe e se ka maikaelelo fela jaaka sengwe se ka wa motho a se tshwere, kgotsa ene motho a wa.

E rile fa re tswelela pele, ra supa gore, lenatetshapuo le, le ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi go raya dilo tse di farologanyeng. Re ne ra bua ka go wela tsela mo gone go rayang go tsamaya.  Fa re re, e rile a sena go ja, Thulare a wela tsela go ya morakeng, re raya gore, e ne ya re Thulare a fetsa go ja, a tsamaya, a ya morakeng.

Re ne ra re e ntse e le go wela tsela, go ka raya go kopana le tsela golo gongwe.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up