Tsa lenao la ga matsieng di tsere phekelo e sele

No Image

Fa go buiwa ka lenao la ga Matsieng kgang e nngwe fela e Batswana ka bontsi ba e itseng. Kgang e re e itseng ke gore Matsieng ke motho wa ntlha wa mmala wa sebilo mo kgaolong ya rona. Re ka tlatsa ka gore re le bantsi re itse fa gotwe gona le gongwe fa a gatileng teng ntlheng ya kgaolo ya Kgatleng.

Fela, Naledi e ne ya utlwa moshwedile mongwe wa dikgang tse di pharologano. Ntle le go dia sebaka, Naledi e ne beke e fetileng ya ragogela gone kwa Rasesa kwa go tlhwaelesegileng gore lenao le la ga Matsieng le bonwa teng.

Go ya ka ditlhotlhomiso tsa Naledi, go senogile dikgang di le mmalwa e bile go lebega go sa ntse go tlaa nna le dipotso di le mmalwa gona le dikarabo. Kgang e ya gore dipopego tse di sireleditsweng kwa Rasesa ke lenao la ga Matsieng le diphologolo tse a neng a tsamaya ka tsone go lebega gona le ba ba sa dumalaneng le yone.

Editor's Comment
Congratulations Anicia Gaothuse!

The contest had 10 beautiful young girls as finalists and unfortunately only one could wear the crown.The judges picked Anicia Gaothuse. To all those who feel their contestant should have won ahead of Anicia for whatever reason, hardly; the judges found Anicia to be the best among the best, so desist from disrespecting our newly crowned queen on social media or anywhere else, for that matter! Each of the 10 beautiful young women had supporters...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up