Batsamaisatiro, baatlhodi ba senya dikgaisanyo

Erile a tsena mo setilong sa bogogi jwa lefatshe leno, tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama, a tlhoma malatsi a boitapoloso a ga tautona go nna a dikgaisanyo tsa bodiragatsi le botaki.

Dikgaisanyo tse, kwa tshimologong bangwe ba ne ba sa tlhaloganye mosola wa tsone. Mme fa nako e ntse e tsamaya le tsone di tshwarwa ngwaga le ngwaga, bontsi jwa simolola go di tlhaloganya le gone go di rata. Go ne go se thona go bona Batswana ba supa fa ba ntse ba nyoretswe ngwao le ditso tsa bone go ya ka go farologana ga tsone, eleng seo le bone badiragatsi le ditlhopha di ntseng di oketsega.

Le fa gongwe gona le mongwe golo gongwe mo sekhutlhwaneng sa gagwe a kgala tautona Khama ka ntlha ya go dira jaana, maduo a se a simolotseng dingwaga di robabobedi tse di fetileng a ntse a a bonala. Batswana fa malatsi a a tla, ba simolola go bua ka fa ba yang go ja monate wa Setswana ka teng. O tla ka poko, mmino, kopelo le tsotlhe tse eleng segabone go siame fela!

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up