Ke bao barwa Kgodumo ka Matlhatso

Mosadi Seboko
Mosadi Seboko

Mo maitekong a morafe wa Balete go tsosolosa le go tshegetsa ngwao le ditso tsa one e tla a re ka Matlhatso kgosikgolo ya Balete, Kgosi Mosadi Seboko a bo a eteletse morafe o moletlong wa go gorosa dialogane tsa sekole sa Bogwera le Bojale le letsatsi la barwaKgodumo.

Letsatsi le le ipelwa ngwaga le ngwaga fa paka ya mariga e ya bokhutlong. Mong a morafe wa ga-Malete, Kgosikgolo Mosadi, ke ene a tlaa di gogang kwa pele ka letsatsi le legolo le la go alosa banna le basadi ba mophato le go keteka ka boitumelo letsatsi le legolo la ngwao le ditso la barwaKgodungwe. Se e le sone sesupo sa gore morafe o motlotlo ka kgosikgolo ya one gammogo le se tota eleng sekao se se botlhokwa sa one.

Kalogo e ya bogwera le bojale e tla jaana morago ga gore kgosikgolo a bolotse banna le basadi go tswa ka metse, mme ba tsena mo sekgweng go ya go rupa kwa tota botlhokwa jwa teng ele go ya go rutwa tsotlhe tse di tlhokegang mo monneng le mosading mongwe le mongwe yo o nang maikarabelo. Se sengwe gape ke go rutwa maitsholo a mantle, bogolo jang a go tsamaisa malwapa le merero ka go farologana ga yone ka ba rupisiwa le go rutwa ke bagolo ba ba rutilweng ebile ba na le maitemogelo a go dira jalo. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, letsatsi le legolo le la barwaKgodumo go bonetse sentle fa le tsweletse ka go gola ka bofefo ka le ngoka tatedi e ntsi ngwaga le ngwaga. Se se go supa sentle fa Balete ba rata thata go ikamanya le lone.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up