Go wela

Mmualebe o latlhetse la gagwe a supa gore peo ya ditlhare, jaaka morula le motlopi, ga e bidiwe thotse, e bidiwa thapo. E le nngwefela e bidiwe thapo, fa di le dintsi e nne dithapo, e seng thotse, dithotse.

Go lebega Naledi yone e dumela gore thotse le thapo ke selo se le sengwefela, kana gore di a tshwana, ka ke eo e ntse e bitsa thapo e re thotse. Laboraro yo o fetileng re kopane nayo e bua ka moretologa, mme ya  bitsa thapo ya moretologa thotse, e seng thapo jaaka go tshwanetse. Le gale, a re name re tlogetse eo ya thapo le thotse, mongwe o tlaa re re e beye molatsa, re lebe ka ntlha e nngwe.

E tlaa re go fetela pele, re bue ka manatetshapuo a a dirisang lefoko ‘go wela.’ Lediri le lefoko le le tswang mo go lone ke ‘wa.’ 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up