Ba ne ba boifa Domkgrag � Khwae

Khwae
Khwae

KANG: Mopalamente wa pele wa Phathi ya Puo-Phaa, e bile a ne a emetse ditlhopho tsa ngogola kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone, ka talama ya Sekhukhu (UDC), Phillip Khwae, a re bontsi jwa batlhophi ba kgaolo ya Kgalagadi Bokone ba ne ba seka ba tlhopha UDC ka bane ba boifa gore batla seke ba bone dithuso tsa mananeo a nyeletse lehuma le a a faphegileng a tlhabololo barui (Special ISPAAD).

Khwae o buile jaana mo potsolotsong le Naledi bosheng, a bolela fa go rera lentswe la go ema nokeng mananeo a, e le gone mo go mo tlhabisitseng thipa mpeng. A re o ne a dira maiteko a go ngoka le go kgothatsa batho gore ba inaakanye le dithuso tse, a bolela fa kgabagare matshelo a bone a ka tokafala. “Mananeo a tshwana le a a itebagantseng le go thusa morafe wa Basarwa go bona mebereko, le go nonotsha dikoporase tsa bone, tota le gore ba itlhabolole ka leruo, ke one a a mpolaileng, nna ke re ke bontsha batho lesedi. Bane ba tshaba go ntlhopha ba re gongwe fa ba ka dira jalo batla seke ba bone mananeo a, ka bane ba tsaya gore ke a ga domkrag, kante ga ba itse gore ko pheletsong ya letsatsi ke makgetho a bone,” Khwae a buwa jalo.

Khwae o tsweletse a re bangwe ba ba baneng ba kwaisitse dithuso ka nako ya ditlhopho, le gompieno ba itshopere fela, ebile bangwe ba tsamaya sekgele se leele go ya go ipobola kwa go ene, ka ditshwetso tse ba di tsereng. Khwae a re bontsi jwa bao ba ba amilweng ke ketsaetsego e, ke banni ba dikgaolo tsa tengnyanateng.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up