Go ata

Go utlwala fa kwa Tsabong tiragalo nngwe ya kgwedi e e fetileng e ne ya ya nna go amogela dipodi tsa lenaneo la nyeletso lehuma. Ga twe, ba ba neng ba atlegile mo lenaneong le, ba tshologela kwa kgotleng ya motse go ya go amogela dipodi tseo.

Tiro ya se ka ya nna go aba le o atlarela fela. Ke efe tiro e e ka dirwang go didimetswe? Le fa mafoko a se kalo, a mabedi, a mararo, one a tshwanetse go nna teng. Ba tla ka one. Pego ya re mogolwane mongwe wa lephata la temo thuo, a bolela fa mo Tsabong batho ba le masome mararo le bosupa ba filwe dipodi tse, kwa Maubelo go filwe ba le batlhano fa kwa McCurthy’s Rust go filwe a le mongwefela fela.

Letsatsi leo le bolelwa e ne ya nna la boitumelo jo bogolo. Botlhe ba ba neng ba bua, ba galaletsa puso. Ga twe Mme Margret Donster, e le mongwe wa ba ba neng ba tsile go amogela dipodi tseo, a bolela fa seo e le thuso e tona thata e ope a ka se kang a e newa mahala. A akgola puso go bo e otlolotse lebogo go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Godimo ga moo, a kgothatsa ba bangwe go tlhokomela dipodi tse gore di tle ntsifale mme di ba inole mo lehumeng.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up