�di a dibosanya

E ne ya bua jalo pina ya re, ditlhopho di tsile; ya re, Batswana re mmogo. Mmualebe o ne a dumela gore, go bua jaana, pina e raya gore re le Batswana, go ya go tlhopha ke tiro ya rona rotlhe.

E raya gore, fa nako e tla, re rwale ditlhako re ye go tlhopha, ope a se ka a nna le seipato sepe kgotsa lebaka lepe la gore ke eng ene a ka se ka a tlhopha.  Go sa tlhophiwe, puso e motho a e batlang kana a e ratang, e ka nna teng jang?  Puso ya tlhomamo e ka nna teng fela fa batho ba ka ema, ba tsaya matsapa a go ya go tlhopha.

Ga nna fela jaaka pina e bua. La goroga letsatsi la ditlhopho.  Be ema Batswana ba ya go tlhopha.  Mo mafelong ka go farologana, ya lepelela mela, mongwe le mongwe a ipaakanyetsa go ya go latlhela ya gagwe talama. Ba dira jaaka ba ne ba batla Batswana.  Fa ba dira jaana, ke bangwe baeng ba le mono gae ba tsile go bona gore gone mme go tsamaya jang.  Ba batla go bona gore a ditlhopho di siame, di tsamaisiwa sentle.  A sele le sele tse di neng di tshwanetse go baakanyadiwa ditlhopho, a di ne tsa dirwa. Gape e le go bona gore Batswana, bone beng ba modiro, ba Itshwere jang

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up