Phirimane ya bosigo?

E re le fa gone mo botshelong dikotsi di le dintsi e bile di tla ka ditsela tse di farologanyeng, gantsi mono gae (Botswana) fa go buiwa ka kotsi, go rewa e le kotsi ya koloi mme e bile motho mongwe kgotsa batho bangwe ba golafetse (gobetse) kana ba latlhegetswe ke botshelo.

Go ka direga gore e re motho a ntse a tsamaya, a kgopiwe, a we, mme a robege.  Motho o ka robega leoto, lebogo, kana golo gongwe a tswa ntho.  Go ntse go ntse jalo, go ka direga gore e re motho a sega sengwe, thipa e relele mme e mo kgaole monwana kgotsa e mo sege seatla.  Dilo tse le tsone ke dikotsi mme ga e ke e re go buiwa ka tsone di bidiwe jalo.  Ga go ke go twe motho o digaraletswe ke kotsi, a wa, a robega, kgotsa a ikgaola monwana ka thipa.  Gantsi fa go buiwa ka ditiragalo tsa go nna jaana go a twe motho o ole mme a robega, kana go twe o itshegile ka thipa.  Gore go twe o diragalwetse ke kotsi, a wa, o diragaletwe ke kotsi a itshega ka thipa, moo, nnyaa. 

Go ntse go ntse jalo, fa e le koloi, e tlaa nna kotsi fela fa e le gore mongwe kgotsa bangwe ba tlhokafetse ampo koloi e senyegile mo e leng gore, e tlaa re e ya go baakangwa, e batle madi a mantsi. Fa e le go senyega fela mo go seng kalo ga go bidiwe kotsi. Gone ga twe koloi e thudile/thudilwe, e papetlegile. Go twe e senyegile fela mo e seng ga sepe. 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up