Go fodisa matshego

E rile maloba ra kopana le kgang e e neng e bua ka phitlho ya mongwe yo o neng a bidiwa Tsotsojane e le morwadia Dibapalo kwa Dithoteng. Re ne ra utlwa fa phitlho e e ne ya tshwarwa jaaka diphitlho tsotlhe tsa Setswana.

Pele ga go fitlhwa go ne ga nna ga tshwarwa merapelo. Ka letsatsi la bofelo la merapelo, ga bolelwa fa tiro ya phitlho e tlaa simolola letsatsi le le latelang mo mosong. Ka letsatsi leo, morago ga thapelo, motsamaisa tiro a bolela fa jaanong e le nako ya pono ya moswi. Ga twe jaaka gale, batho ba tlhomagana, ba dikologa kesi go bona se se mo teng. Re utlwile fa bangwe ba ne ba latlhela leitlho fela ba feta. Ba bangwe bone ga twe ba ne ba tsamaya ba iketlile, ba okomele thata, ba bo ba nne ba iname, ba batla go bona sentle gore mo kesing, go bonwa eng, se ntse jang.

Morago ga pono ya moswi ga iwa mabitleng kwa tiro e neng ya felela teng. Fa go sena go fediwa koo, ga boelwa gae, Kwa lwapeng ga feta ga latolwa, ga jewa, ga ba ga phatlalalwa. Fa ba bantsi bale ba tsamaya, bangwe ba sala, mongwe wa bone e le Ditoroko le ditsala tsa gagwe. Fa ba le foo, Ditoroko a bolela fa ene a tsogile a bonye moswi, e seng pono ya moswi jaaka go ne go buiwa. 

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up