Go tlodisa dinokana di tletse

Ga go bolelwe letsatsi mme fela go utlwala fa mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona le bodirelapuso a ne a tshwara diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya West Hanahai, East Hanahai le New Xade, mo kgaolong ya Ghanzi, nako nngwe bosheng. Moono mogolo mo diphuthegong tse e ne e le lenaneo la nyeletso lehuma.

Ga twe mothusa tona o ne a bua gore, fa lenaneo le le ka tlhoafalelwa, la emelwa ka dinao, le ka thusa go inola Batswana mo lehumeng.

Mothusa tona a se ka a bua lenaneo le bontle fela jwa gore le ka thusa Batswana, mme gape a kaya fa go na le dilo dingwe tse di le emeng pele tse di ka le busetsang kwa morago. Ga twe o ne a re, mo mafelong mangwe, lenaneo la masingwana a merogo ga le a tswelela sentle ka ga go na metsi.

Editor's Comment
Routine child vaccination imperative

The recent Vaccination Day in Motokwe, orchestrated through collaborative efforts between UNICEF, USAID, BRCS, and the Ministry of Health, underscores a commendable stride towards fortifying child health services.The painful reality as reflected by the Ministry of Health's data regarding the decline in routine immunisation coverage since the onset of the pandemic, is a cause for concern.It underscores the urgent need to address the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up