Nako nngwe lenyora le dirwa ke gore dinwelo (megobe, matamo, didiba) di a bo di kgadile, nako nngwe e nne gore di a bo di senyegile mme go tseye lobaka gore di baakanngwe.
Article Tools
![]()
![]()
E-mail a friend ![]()
Print
Malobeng jaana go ne ga utlwala fa mo kgaolong ya Maun le Boteti lenyora le ne le tlhasetse ntateng ya merwalela e e neng ya tla mme ya senya dilo ka bontsi. Mo mafelong mangwe ya hupetsa didiba mo go a mangwe ya thuba dipompo tsa metsi.Go kile ga nna jalo mo motseng mongwe o ke ka se keng ke o bue ka leina. Ga nnwa lobaka lenyora le eme ka dinao, metsi a bonwa fela ka go tswedisa.
Fa go ntse go tsweletse, lenyora le golela pele, batho ba simolola go nkgana ka dinko, ba botsanya gore molato ke eng. Go ne ga se ka ga nna le ope yo o itseng ka tlhomamo gore ke eng go se na metsi, e bile go tsere lobaka lo lo kana a ntse a se yo. Ka gale a ne a tle a kgale mme e re morago ga malatsinyana a bonale. Gompieno a ne a gogile.
Fa batho ba ntse ba botsanya gore matsapa di a tsaya kae, ga nna le kgang e e neng e hakgamatsa thata ya gore, sediba se se tshelang (pompelang) metsi kwa motsing, se kgadisitwse ke noga. Kgang tota e ne e re noga e tsaletse mo sedibeng. Go ne go twe e rile letsatsi lengwe monna yo o neng a dumisa sediba a tswa a ya tirong fela jaaka gale. Fa a tsena ka kgoro ya ntlo ya sediba, a re o ya go bula, a kgatlhantshiwa ke lentswe le re 'O mpotse rra ke motsetse o se ka wa nkgatela ngwana.' Fa a re matlho leba, a fithlela namane e tona ya selo e ikgarile mo kgorwaneng. O ka tlhola a ema? A lo botsa phokoje.
Nnyaa, polelo ya gaswa le motse gore ga go na metsi ka jaana monna o tshabile noga e beetse botsetsi mo sedibeng sa gagwe. Kgang ya anama ya ba ya nna ya lokelwa pele. Bangwe ba re e rile go tsenwa ke letshogo, monna a ya go tsena kwa ga gagwe le go bua a sa bue. Ba bangwe ba re o kwa kokelong o kgwisiwa monko wa noga. Nnyaa tlhe! Dikgang tsa nna dintsi.
Ka letsatsi lengwe fa kgang e ntse e ya le motse, ka kopana le mong wa sediba. Go mmona, ka hakgamalela thata ka a ne a kaiwa e le molwetse wa dikobo. Ka ipotsa gore a ke bona ene tota ampo motho o sele. Fa a ntse a atamela ka fitlhela e le ene. Jaanong ka e ne e le motho yo ke mo itseng, ka se ka ka tlhola ke re ka moso.
Ka mmotsa ka noga ya motsetse. Motho a hakgamala. A bolela fa le ene kgang eo a e utlwa fela mo motseng, ene a sa itse sepe ka yone. Fa ke botsa gore mme lenyora le le kanakana le lone le tswa kae, karabo ya nna gore sediba se senyegile, se santse se emetse go tla go baakanngwa. Ya noga yone a e latola a ba a e tlatsa ka gore le fa e le ka tsatsi lepe ga a ise a ke a fitlhele noga mo sedibeng.
Ga nna fela jalo. Motse wa nna mo lenyoreng noga e nnetse botsetse mo sedibeng. Mme fa o ne o re o leka go tlhotlhomisa boammaruri jwa kgang, o se ke o bo bone gope. Go se ke go nne ope yo o itseng gore kgang e simologile kae, leng, e simololwa ke mang. Fa o botsa, karabo gongwe le gongwe e nne 'ga twe' fela.
Lebaka la gore e simolotswe ke eng lone le ne le le teng, le utlwala. Batho ba ne ba babaletswe ke lenyora. Mme tse dingwe tse di ne di buiwa tsone e ne e le di sele.
Go a tle go nne go direge fela jalo. Motho mongwe a bope kgomo ya mmopa e lele, mme ene a se ke a itsiwe gore ke mang. Kgang ya gagwe e tlale naga go sa itsiwe mothei wa yone le gore boammaaruri jwa yone bo fa kae. E re Motswana a tlhobosa kgang ya mohuta o, a re ga se sepe ke magatwe fela; ke kgang e e se nang lepele le morago.
Ka Batswana ba tlhoafetse ba a bapala, ba a bo ba setse lefoko ke le ga twe 'mabarebare.' Ke tle ke ipotse gore one 'mabarebare' a ke eng? Go tewang? A go tewa magatwe kana eng? Fa go ntse jalo, lefoko 'magatwe' lone le latlhwa molato wa lone e le eng? A go monate mafoko a a selwang mo nageng go na le a e leng one segarona?
| Home :: Advertising :: Contact Us :: About Us | :: Developed by | |