Ka fa tlase ga kgotla e, go na le dikgotla tse dingwe tse tsone di busiwang ke dikgosana. Dikgosana tse ke tsone matlho le ditsebe tsa kgosi mo motseng.
Fa ka tsela nngwe morafe o sa tsoge, dikgosana di tshwanetse go lekodisa kgosi. Gape, go nna le dikgosana ke tsela ya go thusanya tiro.